WENA LE KANKERE
Mokwalo o, o dirilwe e le tirisano magare ga ba Global Oncology, THE MEME, le ba Botswana Oncology Global Outreach (BOTSOGO).
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
Car
oly
nTa
ylo
r: G
lob
al F
ocu
s o
n C
ance
r
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
1
DIPOTSO MABAPI LE KANKERE
DIPOTSO TSE O KA TSWANG O NA LE TSONE
Bukana e e tlhalosa se o tshwanetseng go se solofela fa o na le kankere le se o tshwanet-seng go se dira fa o tsaya molemo ya kankere (chemotherapy) kgotsa go tshubiwa ga kankere (radiation) go alafa bolwetsi jwa gago.
» Kankere ke eng?
Kankere ke bolwetse jo e leng gore dikarolo
dingwe tsa mmele di gola ka bonako thata mo
go sa laolesegeng. Fa kankere e sa alafiwe,
bolwetse bo kgona go gakala mo go ka bakang
le leso.
» O tla fiwa molemo leng?
Ngaka ya gago kgotsa mooki o tla go bolelela
gore o tshwanetse go tla leng go tsaya molemo
wa gago. Kalafi e kgona go tsaya dikgwedi go
tswa mo go reng o na le kankere ya mofuta ofe;
mefuta ya kalafi e akaretse melemo (chemo-
therapy), loaro (surgery) le go tshubiwa ga
kankere (radioation).
» Mefuta mengwe ya kankere ke efe?
Mefuta ya kankere e e tlwaelesegileng ke
kankere ya mometso, lebele, molomo wa
popelo, makgwafo le prostate. Di-Lymphoma,
Kaposi’s sarcoma le leukemia le tsone ke
mefuta mengwe ya kankere.
» A go babalesegile go bapa le batho ba ba nang le kankere?
Ee, go babalesegile go amana le batho ba ba
nang le kankere. Kankere ga e tshelanwe. Ga
o kake wa e tsaya mo mothong o mongwe.
O ka nna wa tlhakanela dikobo, mme o seka
wa lebala go dirisa itshireletso go kganela
kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV
le boimana.
Dipotso tsa gago:
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
2
DIPOTSO MABAPI LE KALAFI YA KANKERE YA CHEMOTHERAPY
» Chemotherapy ke eng?
Chemotherapy ke molemo o o dirisiwang go
alafa kankere. E thusa go laola bolwetse. O ka
fiwa molemo ka mokento wa drip, dipilisi
kgotsa mo mokento wa gale. Gantsi ngaka ya
gago o ka go fa chemotherapy e kopantswe le
loaro kgotsa kalafi ya go tshuba kankere
(radiation)
» A kalafi ya kankere ya chemotherapy e na le ditlamorago?
Chemotherapy ke molemo o o bogale o o
kgonang go dira gore o ikutlwe o lwala mo
dibekeng tse di latelang morago ga kalafi. Go
kgona go nna thata mme ga o a tshwanela go
emisa go tsaya molemo wa gago. Ditlamorago
ka bontsi di a nyelela morago ga kalafi, mme
itsise ngaka kgotsa ba kokelwana fa o na le
dikai tse di maswe. Ba bongaka, morago ga go
rerisana nao, ba kgona go tsaya tshwetso ya go
emisa pele ga nako o bo o dirisa molemo o sele.
Dipotso tsa gago:
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
3
DIPOTSO MABAPI LE KALAFI YA GO TSHUBA KANKERE (RADIATION)
» Kalafi ya go tshuba kankere ke eng?
Kalafi ya radiation/go tshuba kankere e dirisa
lesedi le le faphegileng go dira gore kankere e
fokotsege kgotsa e swabe. Lesedi le motshine
tse di dirisiwang di tshwana le seipone (X-ray)
se se tlwaelesegileng. Fela jaaka seipone, ga o
na go bona kgotsa go utlwa marang a a
dirisiwang. Kalafi e e fiwa mo dintlheng tse di
farologaneng tsa mmele gore kankere e amege
ka bontsi . Fa gongwe go tshuba go tshwanetse
ga dirwa mo teng ga mmele wa gago, gaufi le
kankere. Se se bidiwa “brachytherapy”.
» A kalafi ya radiation/go tshuba kankere e na le ditlamorago?
Radiation gantsi e dira gore batho ba ikutlwe
ba lapile gape e kgona go dira gore go nne le
diphetogo mo letlalong. Ditlamorago di tla
laolwa ke gore ke karolo e fe ya mmele e e
tlhokang kalafi. Mathata ka bontsi a tla tokafala
fa o weditse kalafi ya gago.
Dipotso tsa gago:
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
4
KA FA O KA IKUTLWANG KA TENG MORAGO GA CHEMOTHERAPY
DITLAMORAGO TSA KALAFI
Kalafi ya chemotherapy ke molemo o o ka dirang gore o ikutlwe o lwala. Kalafi ya chemotherapy e bokete thata mme ga o a tshwanela go emisa go tsaya molemo wa gago. Ditlamorago ka bontsi tsa a nyelela morago ga kalafi.
Go kgaoga moriri Letsapa Go kgwa
Go selelega Go bipelwa Letshololo
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
5
MORAGO GA GO TSHUBIWA GA KANKERE(RADIATION)
MATHATA A MORAGO GA KALAFI
Kalafi ya go tshuba kankere gantsi e dira gore o ikutlwe o lwala gape e kgona go dira gore o nne le botlhoko mo mmeleng. Gore kalafi ya radiation e bereke sentle, go botlhokwa go sala lenaneo la kalafi morago le gore o seka wa tlodisa malatsi. Ditlamorago ka bontsi di a nyelela morago ga kalafi.
Letsapa Dintho tsa legano, mometso Go babiwa ga letlalo
Go ntsha motlhapo mo go botlhoko/ Motlhapo o o
fisang
Letshololo Ditlhabi
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
6
O TSHWANETSE GO BATLA THUSO YA BOTSOGO LENG
Ditlhabi mo mafatlheng Go hupela/ Go sa hemeng sentle
Go idibala Go gotela
Ya ko kokelong gone foo fa o na le nngwe ya dikai tse.Dikai ka bontsi morago ga kalafi di tlwaelesegile mme tse dingwe ga go a nna jalo. Ya ko kokelong kgotsa bua le ngaka ya gago kgotsa mooki fa o na le mangwe a mathata a segolo thata fa o ikutlwa o lwala thata.
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
7
GO TLHOKOMELA BATHO BA BA NANG LE KANKERE
» Nna podimatseba
Leka go iphapha mo go nneng fa gare ga batho
ba ba ka tswang ba na le malwetse a a tshelwa-
nang jaaka ba ba gotlholang, ba ba gotelang.
O tla bo o na le kgonagalo e e ko godimo ya
malwetse a tshwa na le kgotlholo e tona,
letshoroma, le mohikela fa o santse o tsaya
molemo wa gago.
» Dipotso ka ga molemo
Fa o na le dipotso ka gore batho ba ba nang le
kankere ba ka dira eng fa ba tsaya melemo ya
bone, bua le ngaka ya gago kgotsa mooki.
» Itekodise jaaka go tshwanetse
O tshwanetse go boela ko kokelwaneng kgotsa
kokelo fa o na le mogote o o ko godimo kgotsa
fa o akanya gore o simologelwa ke bolwetse
bongwe bo sele. Tswelela ka go tsaya melemo
ya gago ya malwetse a mangwe jaaka mogare
wa HIV, kgotlholo e tona (TB), kgotsa sukiri
(diabetes). Le morago ga o sena go fetsa kalafi
yotlhe ya kankere, ke tshwanelo gore o bo o
ntse o tlhatlhobiwa ke ba bongaka gangwe ka
ngwaga (botsa ngaka ya gago gore o).
» Kopa thuso
Go babalesegile go bapa le batho ba ba nang
le kankere ka gore ga o kake wa tsaya kankere
mo mothong yo mongwe. Badiri ba botsogo le
dingaka ba tla go thusa gore o tokafale. Balwe
tse ba kankere ba tlhoka lorato le thotloetso go
tswa mo malwapeng a bone.
IMA
GE
S: LIZ
CA
NT
U D
AV
EN
PO
RT
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
8
TLHOKOMELO YA BATHO BA BA
Iphaphe mo malwetsing
Kalafi ya chemotherapy e koafatsa
itshireletso ya mmele wa gago gape e dira gore
go nne motlhofo gore o tsenwe ke megare go
tswa mo bathong ba bangwe.
Tlhapa diatla
Tlhapa diatla ka molora le metsi
kgapetsakgapetsa, bogolo thata fa o apeile
kgotsa o le gaufi le diphologolo.
Tlhatswa dijo gape di apee sentle di butswe
Megare mo dijong e kgona go go lwatsa thata
fa o tsaya kalafi ya kankere ya chemotherapy.
Tlhatswa maungo le merogo ka metsi a a phepa
gape apaya dinama mo di butswang sentle.
Nwa metsi a a babalesegileng
Nwa metsi a a babalesegileng —
bedisa metsi a gago pele o nwa.
Ikhutse
Fa o simolola, tsaya nako go robala
le go ikhutsa. Fa o ikutlwa o le botoka o
ka tswelela ka ditiro tsa gale.
Ja sentle
Ja dijo tse dinnye kgapetsakgapetsa mo
letsatsing. Ja merogo, maungo ka go farologana
le dijo tsa losika la mabele. Ikgaphe mo dijong
tse di babang le dijo tse di sa butswang le tsa mo
mekgwatlheng.
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
9
TSAYANG KALAFI YA KANKERE
Alafa dintho tsa molomo
Ja dijo tse di boleta. Tlhakanya letswai le se
kae le metsi a a bothitho a a babalesegileng mo
koping kgotsa mo lebotlolong. Tsukula legano la
gago ka metsi a a letswai pele le morago ga go ja
le gape pele o robala bosigo
Apara sengwe mo tlhogong ya gago
Fa o latlhegelwa ke moriri, o tshwanetse
go rwala tukwi kgotsa hutshe.
Iphaphe mo boimaneng
Go botlhokwa go dirisa dilo tse di thibelang
boimana fa o tsaya le fa o fetsa go tsaya kalafi.
Ngaka ya gago e tla go bolelela gore go babalese-
gile leng go emisa go e dirisa.
Itshase setlolo
Fa letlalo le omeletse kgotsa le baba,
tshasa setlolo mo lefelong leo.
Se goge motsoko
Dikgakololo tse dingwe go tswa mo ngakeng:
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
10
KGATISO YA DITLAMORAGO TSA GO TSHUBA KANKERE
Ditlamorago tse dingwe tse di itemogetsweng:
DITAELO
Tlhopha gore o ikutlwa jang ka dikai tsotlhe tse o di itemogetseng. Tlhopha gore o ikutlwa jang morago ga beke ya kalafi.
BEKE 1
BEKE 2
BEKE 3
BEKE 4
BEKE 5
BEKE 6
BEKE 7
BEKE 8
Letsatsi Letsapa Phetogo ya letlalo Dintho Letshololo
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
11
DITLAMORAGO TSA CHEMOTHERAPY
Ditlamorago tse dingwe tse di itemogetsweng:
DITAELO
Tlhopha gore o ikutlwa jang ka dikai tsotlhe tse o di itemogetseng. Tlhopha gore o ikutlwa jang morago ga beke ya kalafi.
Letsatsi Letsapa Go kgwa Go bipelwa LetshololoBEKE 1
BEKE 2
BEKE 3
BEKE 4
BEKE 5
BEKE 6
BEKE 7
BEKE 8
WENA LE KANKERE
© 11/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved
12
KWADISO YA MOLWETSE
DITAELO
Tsweetswee tlisa bukana e nako le nako fa o tla kokelong kgotsa sepatela. E supegetse ngaka, modiri wa kokelo kgotsa mooki fa o ba bona.
Leina la molwetse
Loaro
Mogala
Kalafi: ChemotherapyMalatsi a beke
Malatsi a beke
Malatsi a beke
Dingwaga Bong
Mofuta wa kankere
KITSO KA GA MOLWETSE
LENANEO LA KALAFI
1 2 3 4 5 6 7 8
1 2 3 4 5 6 7 8
1 2 3 4 5 6 7 8
Kalafi: Brachytherapy
Kalafi: EBRT
Mokwalo o, o dirilwe e le tirisano magare ga ba Global Oncology, THE MEME, le ba Botswana Oncology Global Outreach (BOTSOGO). Re leboga botlhe ba ba nnileng le seabe sa go ranola le tiragatso ya mokwalo o e bong:
Dr. Memory Bvochora-Nsingo, Dr. Dawn Balang, Dr. Babe Gaolebale, Dr. Scott Dryden-Peterson, Mma Oaitse John, Dr. Sebathu Chiyapo, Dr. Neo Tapela, le Mma Tumalano Sekoto.
Ba Global Oncology ba leboga ba Varian Medical Systems ka thotloetso ya bone ya madi ya go gatisa bukana e.
© 10/2017 Global Oncology, Inc. All Rights Reserved